1 Corinthians 1

Lokwalo lwa ntlha lwa Bakorintla

1Lokwalo lo lo tswang kwa go Paulo, yo o tlhophilweng ke Modimo go nna morongwa wa ga Jesu Keresete, le mokaulengwe Sosethenese. 2A kwalela: Bakeresete ba ba kwa Korinta, ba ba biditsweng ke Modimo go nna batho ba one ba ba itshepisitsweng ke Keresete Jesu. Le go: botlhe Bakeresete gongwe le gongwe, ba ba bitsang leina la ga Jesu Keresete, Morena wa rona le wa bone.

3A Modimo Rraetsho le Morena Jesu Keresete a lo segofatse, a lo neye kagiso e kgolo ya pelo le mowa.

Go Leboga

4Ga ke ka ke ka khutlisa go leboga Modimo kaga dineo tse dintle tse o di lo neileng, gore jaanong lo bo lo le ba ga Keresete. 5O humisitse botshelo jwa lona jotlhe. O lo neile nonofo ya go bua kaga gagwe le go lo naya go tlhaloganya boammaaruri. 6Se ke se lo boleletseng gore Keresete o ka se lo direla se diragetse!

7Jaanong lo na le letlhogonolo le tshegofatso; mpho nngwe le nngwe ya semowa le nonofo go dira go rata ga one, dilo tse ke tsa lona mo lobakeng lono lwa go letela go bowa ga Morena wa rona Jesu.

8O tlaa lo tlhomamisa go ya bokhutlong gore lo tlhokisiwe boleo le molato ka letsatsi le o tlaa bowang ka lone. 9Modimo ruri o tlaa lo direla se, gonne o dira ka metlha yotlhe se o se buang, ebile ke one o o lo bileditseng mo botsalanong jo bontle jo le Morwa one, e leng ene Keresete Morena wa rona.

Popagano e e nonofileng

10Mme bakaulengwe ba ba tlotlegang, ke a lo kopa mo leineng la Morena wa rona Jesu Keresete go khutlisa dikganetsano mo gareng ga lona. A go nne le kutlwano e e siameng gore go se ka ga nna le dikgaogano mo phuthegong. Ke a lo kopa gore lo nne mogopolo mongwe fela, lo kopane mo kgopolong le mo boikaelelong. 11Gonne bangwe ba ba nnang kwa tlung ya ga Keloe ba mpoleletse ka dikgane-tsano le dikgogakgogano tsa lona, bakaulengwe ba ba rategang. 12Bangwe ba lona ba re, “Ke molatedi wa ga Paulo,” ba bangwe ba re ke balatedi ba ga, Apolose kgotsa Petere, ba bangwe mo bojosing jwa bone ba re ke balatedi ba boammaaruri ba ga Keresete. 13Mme jalo, e tswa e le ruri lo kgaogantse Keresete. Mme a nna Paulo, ke swetse dibe tsa lona? A go na le mongwe wa lona yo o kolobeditsweng mo leineng la me? 14Ke leboga thata ka nako e ka gore ga ke a kolobetsa ope wa lona fa e se Kerisepo le Gaio fela. 15Gonne jaanong ga go na ope yo o ka akanyang gore ke ne ke batla go simolola sengwe se sesha; ke simolola “phuthego ya ga Paulo.” 16Ee, ke kolobeditse ba ntlo ya ga Setefanase. Ga ke gakologelwe gore a ke kile ka kolobetsa mongwe o sele. 17Gonne Keresete ga a nthomela go tla go kolobetsa, fa e se go rera Mafoko a a Molemo; mme le thero ya me e utlwala e le bokoa, gonne ga ke tlatse thero ya me ka mafoko a a boteng le tumo ya megopolo e e kwa godimo, ke tshaba go tima nonofo e kgolo e e mo molaetseng o o motlhofo wa mokgoro wa ga Jesu Keresete.

18Ke itse sentle gore go utlwala go le boeleele thata mo go ba ba latlhegang, fa ba utlwa gore Jesu o swetse go ba boloka. Mme rona ba re bolokilweng re lemoga molaetsa o e le nonofo ya Modimo. 19Gonne Modimo wa re, “Ke tlaa senya maano otlhe a batho a poloko, ga go re sepe gore a a ka bo a lebega a le botlhale go le kae, le go tlhokomologa megopolo e e botoka ya batho, le e leng batlhalefi tota.”

20Jaanong go ka tweng ka batho ba ba botlhale, barutegi ba, bakanoki ba ba botlhale ba dilo tse di kgolo tsa lefatshe le? Modimo o ba dirile gore botlhe ba lebege e le dieleele, wa ba wa supa botlhale jwa bone bo sena mosola. 21Gonne Modimo mo botlhaleng jwa one o bone gore lefatshe ga le kitla le bona Modimo ka botlhale jwa motho; mme wa tsena wa boloka botlhe ba ba dumetseng molaetsa wa one o lefatshe le o bitsang boeleele le bomatla. 22Go bonala go le boeleele mo Bajuteng ka gore ba batla sesupo se se tswang legodimong e le tshupo ya gore se se rerwang ke boammaaruri; mme ke boeleele mo go Badichaba ka gore ba dumela fela se se dumalanang le botlhale jwa bone le go re se lebega se le sentle mo go bone. 23Jalo fa re rera kaga Keresete jaaka a swetse go ba boloka, Bajuta ba a kgopisega mme Badichaba bone ba re ke diphirimisi fela. 24Mme Modimo o butse matlho a ba ba batlang poloko, Bajuta mmogo le Badichaba go bona gore Keresete ke nonofo e kgolo ya Modimo go ba boloka; Keresete ka bo ene ke pinagare ya leano la Modimo mo polokong ya bone. 25Leano le la Modimo le go tweng ke “Boeleele” le botlhale thata go gaisa leano la batlhalefi, mme Modimo mo bokoeng jwa one, jwa gore Keresete a swe mo mokgorong o nonofile go gaisa batho botlhe.

26Lemogang mo go lona, bakaulengwe ba ba tlotlegang, gore ba se kae fela ba lona ba ba latelang Keresete ba na le maina a magolo kgotsa nonofo kgotsa dikhumo. 27Mo boemong jwa moo, Modimo o tlhophile ka bomo fela go dirisa ditlhaloganyo tse batho ba lefatshe ba di bonang di le boeleele, ebile di sena mosola, e le go tlhabisa ditlhong batho ba lefatshe le ba ba bonwang ba tlhalefile thata, ebile ba le bagolo. 28O tlhophile leano le le nyaditsweng ke lefatshe, le le kailweng e se sepe, mme a le dirisa go latofatsa batho ba lefatshe le ba tlotlang, 29gore gongwe le gongwe ope a se ka a ikgantsha fa pele ga Modimo.

30Gonne go tswa fela kwa Modimong gore lo nne le botshelo ka Jesu Keresete. O re bontshitse leano la Modimo la poloka; ke ene yo o dirileng gore re amogelesege mo Modimong; o re itshekisitse a bo a re itshepisa a bo a intsha thekololo ya poloko ya rona. 31Jaaka mo dikwalong go twe, “Fa mongwe a ikgantsha a a ikgantshe fela kaga se Morena o se dirileng.”
Copyright information for TsnLEF